Otsile Lekone o buisana le sebueledi sa ba NSFAS Slumezi Skosana.

Tona ya thuto e kgolwane, Blade Nzimande a re ba setheo se se thusang baithuti ba thuto e kgolwane ka matlole, NSFAS ba dira ka natla go tokafatsa le go itlhaganedisa tsamaiso ya go thusa baithuti ba ba dirang dikopo tsa go thusiwa ka matlole mo ngwageng o tlang wa dithuto. Nzimande a re ba tlile go dirisana le ba setheo sa ditirelo tsa lekgetho, SARS le ba setheo sa thuso ya matlole a puso SASSA, mmogo le ba lefapha la merero ya selegae go seka seka tshedimosetso e tla thusang ba NSFAS go supa baithuti ba ba tshwanelang go thusiwa ka matlole. Seno ke jaaka e le letsatsi la bobedi baithuti ba letleletswe go dira kopo ya go thusiwa ka matlole mo ngwageng o tlang ke ba NSFAS. Tona Nzimande o itsisitse fa go tla nna le diphetogo tse di akaretsang gore baithuti ba ba dirang dikopo ga ba sa tlhole ba tlhoka go neela ba NSFAS tshedimosetso e ka ga letseno la batsadi le tshedimosetso e ka ga bo nnete ba gore makwalo a boitshupo a mothuti a dirang kopo ka one ke a batsadi ba gagwe.