Rorisang: Recent Episodes

Motsweding FM

It’s a church service show coupled with a Sunday school. Content is based on Christian belief according to the Bible

View Details

Brown Mosiapoa o buisana le sebini Teboho Moruti. #Rorisang

View Details

Matheo 5:10 “Go itumela ba ba bogiseditsweng tshiamo, e re ka bogosi jwa magodimo e le jwa bone

View Details

Via Dolorosa - Rev Peega "Rara Baitshwarele; gonne ga ba itse se ba se dirang" - rev. Molale "Gompijeno o tla nna le nna mo parateising" - Rev. Mahupela "Mosadi, bona mowao ke yoo! A ba araya moruta a re: bona mmago ke yoo" - Rev Mothobi & Rev Mogorosi "Ke Nyorilwe" - Rev. Matabogi "Go Weditswe" - Rev. Zulu "Rara ke neela mowa wa me mo diatleng tsa gago" Rev Setshedi & Rev. Kwape

Tshobokanyo - Brown Mosiapoa & Rev Tube

View Details

Leithlo la Modimo ga le a tshwalega, ditsebe di reeditse ba ba go tlotlang

View Details

Joshua 1:2-9

Moshe motlhanka wa me o sule;+ mme jaanong nanoga, kgabaganya Joredane eno, wena le setšhaba seno sotlhe, o tsene mo lefatsheng le ke le ba nayang, e bong bomorwa Iseraele.+ 3 Lefelo lengwe le lengwe le pato ya lonao lwa lona e tla le gatang, ke tla le lo naya, fela jaaka ke solofeditse Moshe.+ 4 Karolo ya lona ya naga+ e tla nna go simolola kwa nageng le Lebanona eno go fitlha kwa nokeng e kgolo, noka ya Euferatese, ke gore, lefatshe lotlhe la Bahite,+ le go fitlha kwa Lewatleng le Legolo go ela kwa bophirimatsatsi. 5 Ga go na ope yo o tla emang a nonofile fa pele ga gago malatsi otlhe a botshelo jwa gago.+ Ke tla nna le wena+ fela jaaka ke ne ke na le Moshe. Ga nkitla ke go latlha le fa e le go go tlogela gotlhelele.+ 6 O nne pelokgale o bo o nonofe,+ gonne ke wena yo o tla dirang gore batho bano ba rue+ lefatshe le ke neng ka le ikanela borraabonemogologolwane gore ke tla le ba naya.+ 7 “Fela o nne pelokgale o bo o nonofe thata go tlhokomela go dira kafa molaong otlhe o Moshe motlhanka wa me a o go laoletseng.+ O se ka wa o fapoga wa ya kafa mojeng kgotsa kafa molemeng,+ gore o dire ka botlhale gongwe le gongwe kwa o yang gone.+ 8 Buka eno ya molao e se ka ya tloga mo molomong wa gago,+ o e balele kwa tlase motshegare le bosigo, gore o tlhokomele go dira kafa go sotlhe se se kwadilweng mo go yone;+ gonne o tla dira gore tsela ya gago e atlege e bile o tla dira ka botlhale.+ 9 A ga ke a go laela?+ O nne pelokgale o bo o nonofe. O se ka wa garoga pelo kgotsa wa tshoga,+ gonne Jehofa Modimo wa gago o na le wena gongwe le gongwe kwa o yang gone.”+

View Details

Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe+ mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.+

View Details

timothy 3:2 Jalo, molebedi o tshwanetse go nna yo o se nang se a ka tshwaiwang phoso ka sone, monna wa mosadi a le mongwe, yo o tekatekano mo mekgweng, a itekanetse sentle mo mogopolong, a dira dilo ka thulaganyo, a tshola baeng, a tshwanelega go ruta,

View Details

Luke 6:27-28 Mme ke a lo raya lona ba lo reeditseng ka re, Tswelelang lo rata baba ba lona,+ lo direle ba ba lo tlhoileng molemo,+ 28 lo segofatse ba ba lo hutsang, lo rapelele ba ba lo tlhapatsang.

View Details

Bagalatia 6:7 Lo se ka lwa tsietsega:+ Modimo ga se yo o ka sotliwang.+ Gonne le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape

View Details

Bakolosa 3:3-4 Gonne lo ne lwa swa,+ mme botshelo+ jwa lona bo ntse bo fitlhilwe le Keresete seoposengweng+ le Modimo. 4 Fa Keresete, e bong botshelo+ jwa rona a bonadiwa, foo le lona lo tla bonadiwa+ le ene mo kgalalelong

View Details

Genesise 28:13 Mme bona! Jehofa o ne a eme mo godimo ga yone, mme a re:+ “Ke nna Jehofa Modimo wa ga Aborahame rrago le Modimo wa ga Isake.+ Lefatshe le o letseng mo go lone, ke tlile go le naya wena le losika lwa gago

View Details

Genesise 12:1-4 12 Mme Jehofa a raya Aberame a re: “Tswa mo nageng ya gaeno le mo go ba losika lwa gago le mo ntlong ya ga rraago o ye kwa nageng e ke tla e go bontshang;+ 2 mme ke tla dira setšhaba se segolo ka wena e bile ke tla go segofatsa mme ke tla dira gore leina la gago le nne legolo; ke bo ke go supa o le tshegofatso.+ 3 Ke tla segofatsa ba ba go segofatsang, mme yo o go hutsang ke tla mo hutsa,+ mme malapa otlhe a lefatshe ruri a tla itshegofatsa ka wena.”+ 4 Foo Aberame a tsamaya fela jaaka Jehofa a buile le ene, mme Lote a tsamaya le ene. Aberame o ne a le dingwaga di le masome a supa le botlhano fa a ne a tswa mo Harana

View Details

Botlhokwa le boleng jwa boitshwarelo

View Details

Luke 11:14 Moragonyana o ne a leleka ledimona le le semumu.+ Fa ledimona le sena go tswa, monna yo o semumu a bua. Mme boidiidi jwa gakgamala

View Details

Ekesodo 17:8-13

Mme Baamaleke+ ba tla go tlhabana le Iseraele kwa Refidime.+ 9 Foo Moshe a raya Joshua+ a re: “Re tlhophele banna mme o tswe+ o tlhabane le Baamaleke. Ka moso ke ema mo godimo ga thota, thobane ya Modimo wa boammaaruri e le mo seatleng sa me.”+ 10 Foo Joshua a dira fela jaaka Moshe a ne a mmoleletse, gore a tle a tlhabane le Baamaleke; mme Moshe, Arone le Hure+ ba tlhatlogela kwa godimo ga thota. 11 Mme go ne go direga gore fela fa Moshe a tsholetsa seatla, Baiseraele ba bo ba nna maatla;+ mme fela fa a diga seatla, Baamaleke ba bo ba nna maatla. 12 Fa diatla tsa ga Moshe di ne di le boima, ba ne ba tsaya leje ba bo ba le baya kafa tlase ga gagwe, mme a nna mo go lone; mme Arone le Hure ba tshegetsa diatla tsa gagwe, mongwe kafa letlhakoreng leno yo mongwe kafa letlhakoreng lele, mo diatla tsa gagwe di neng tsa nna fela di sa tshikinyege go fitlha letsatsi le phirima. 13 Ka gone Joshua a fenya Amaleke le batho ba gagwe gotlhelele ka bogale jwa tšhaka

View Details

Mareko 5:35-43 Ya re a sa ntse a bua, banna bangwe ba ba tswang kwa legaeng la modiredi yo o okametseng wa sinagoge ba tla mme ba re: “Morwadio o sule! Ke ka ntlha yang o sa ntse o tshwenya moruti?

View Details

Bakolosa 3:19 Lona banna ba lo nyetseng, nnang lo rate basadi ba lona+ mme lo se ka lwa ba galefela mo go botlhoko.

View Details

Rorisang Ka Tlhamalalo Gotswa Kagiso United Reformed Church

View Details

Sefela sa Difela 2:15 A ko lo re tshwareleng bophokoje, bophokoje ba bannye ba ba senyang masimo a mofine, e re ka masimo a rona a mofine a thuntse.

Songs 2:15

View Details

Daniele 6:4 Ka nako eo badiredibagolo le dikgosana tsa kgaolo ya naga di ne ka metlha di batla go bona seipato sengwe kgatlhanong le Daniele malebana le bogosi;+ mme go ne go se na seipato kgotsa sengwe se se boikepo gotlhelele se ba neng ba se bona, e re ka a ne a ikanyega mme go sa fitlhelwa go latlhelela gope kgotsa sengwe se se boikepo mo go ene+ gotlhelele

View Details

1 Johane 1:9 Fa re ipolela maleo a rona,+ o a ikanyega e bile o tshiamo mo a tla re itshwarelang maleo a rona le go re phepafatsa mo tshiamololong+ yotlhe.

View Details

2 Dikgosi 6:14 Ka yone nako eo a romela dipitse le dikara tsa ntwa le mophato o mogolo wa sesole teng; mme ba tla bosigo ba dika motse.

View Details

Ekesodo 23:25 Lo direle Modimo wa lona, mme o tla segofatsa senkgwe sa lona le metsi a lona; mme ruri ke tla faposa botlhoko mo gare ga lona.

View Details

Isaia 59:19 Ba tla simolola go boifa leina la ga Jehofa go tloga kwa bophirimatsatsi, mme ba tla simolola go boifa kgalalelo ya gagwe go tloga kwa botlhabatsatsi, gonne o tla tsena jaaka noka e e bakang matshwenyego, e moya wa ga Jehofa o e kgokgweeditseng.

View Details

1 Johane 1:8 Fa re bua polelo e e reng: “Ga re na boleo,”+ re a itsietsa+ e bile boammaaruri ga bo yo mo go rona.

View Details

2 Ditiragalo 7:14 Mme batho ba me ba leina la me le bidiwang mo go bone ba ikokobetsa ba rapela ba bo ba senka sefatlhego sa me mme ba boa mo ditseleng tsa bone tse di bosula, foo nna ka bonna ke tla utlwa ke le kwa magodimong ke bo ke itshwarela boleo jwa bone, ke tla fodisa lefatshe la bone.

View Details

Luka 6:37

“Mo godimo ga moo, tlogelang go atlhola, mme ga lo na go atlholwa ka gope;+ gape tlogelang go bona molato, mme ga lo na go bonwa molato ka gope. Nnang lo golole, mme lo tla gololwa.+ 38 Itlwaetseng go aba, mme batho ba tla lo abela.+ Ba tla tshela mo diropeng tsa lona selekanyo se se molemo, se papietswe, se tsikitleditswe e bile se penologa. Gonne ka selekanyo se lo lekanyang ka sone, le bone ba tla lo lekanyetsa ka sone.”

View Details

Moreri 3:1-5

Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng, le nako ya tiragalo nngwe le nngwe kafa tlase ga magodimo: 2 nako ya go tsholwa le nako ya go swa; nako ya go jala le nako ya go kumola se se neng se jetswe; 3 nako ya go bolaya le nako ya go fodisa; nako ya go thuba le nako ya go aga; 4 nako ya go lela le nako ya go tshega; nako ya go hutsafala+ le nako ya go tlolaka; 5 nako ya go latlha maje le nako ya go kokoanya maje; nako ya go tlamparela le nako ya go lesa go tlamparela;

View Details

Diane 6:16 | Go na le dilo di le thataro tse Jehofa a di tlhoileng; ee, dilo di supa tse di makgapha mo moyeng wa gagwe

View Details

1 Pitoro 3:3-8

Mme a mokgabo wa lona e se ka ya nna wa go loga moriri loetse+ kafa ntle le wa go rwala mekgabiso+ ya gouta kgotsa wa go apara diaparo tsa kafa ntle, 4 mme a e nne motho wa sephiri+ wa pelo yo o apereng diaparo tse di sa senyegeng+ tsa moya o o didimetseng le o o bonolo,+ tse e leng tsa botlhokwa jo bogolo mo matlhong a Modimo. 5 Gonne pele, basadi ba ba boitshepo ba ba neng ba solofetse mo Modimong le bone ba ne ba tle ba ikgabise jalo, ba ipaya mo taolong ya banna ba bone, 6 jaaka Sara a ne a tlwaetse go utlwa Aborahame, a mmitsa “morena.”+ Mme lo fetogile bana ba gagwe, fa fela lo nna lo dira molemo e bile lo sa boife sepe se se tshosang.

View Details

Genesise 21:14-19 Ka jalo Aborahame a tsoga go sa le phakela a tsaya senkgwe le modutwana mme a o naya Hagare, a o baya mo legetleng la gagwe, le ngwana, mme a mo tsamaisa. A tsamaya mme a kgarakgatshega mo nageng ya Beere-sheba. 15 La bofelo metsi a fela mo modutwaneng mme a latlhela+ ngwana kafa tlase ga sengwe sa ditlhatshana. 16 Morago ga moo a tsamaya mme a nna a le esi, mo e ka nnang sekgala sa go hulwa ga bora, ka gonne o ne a re: “Mma ke se ka ka bona fa ngwana a swa.” Ka jalo a nna kgakajana mme a tsholetsa lentswe a lela. 17 Foo Modimo a utlwa lentswe la mosimane, mme moengele wa Modimo a bitsa Hagare go tswa kwa magodimong a mo raya a re: “Mathata ke eng ka wena, Hagare? O se ka wa boifa, ka gonne Modimo o reeditse lentswe la mosimane kwa a leng gone. 18 Nanoga, tsholetsa mosimane mme o mo tshware ka seatla, ka gonne ke tla mo dira setšhaba se segolo.” 19 Foo Modimo a bula matlho a gagwe mme a bona sediba sa metsi; a ya a simolola go tlatsa modutwana ka metsi a ba a nosa mosimane.

View Details

Diane 31:10-31 Ke mang yo o ka bonang mosadi yo o nang le bokgoni?+ Tlhwatlhwa ya gagwe e feta ya dikorale kgakala.

Pelo ya mong wa gagwe e mo ikantse, mme ga go tlhaele poelo epe.

View Details

Ekesodo 3:3-8

Foo Moshe a re: “Mma ke fapoge fela gore ke tle ke tlhatlhobe kgakgamatso e kgolo eno, gore ke ka ntlha yang fa setlhatshana se se mitlwa seno se sa she.” 4 E rile Jehofa a bona gore o ne a fapoga gore a se tlhatlhobe, Modimo a akofa a mmitsa go tswa mo gare ga setlhatshana se se mitlwa a re: “Moshe! Moshe!” mme a re: “Ke fano.” 5 Foo a re: “O se ka wa atamela fano. Rola bompaatšhane ba gago mo dinaong tsa gago, ka gonne lefelo le o emeng mo go lone ke mmu o o boitshepo.” 6 Mme a tswelela a re: “Ke nna Modimo wa ga rrago, Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe.” Foo Moshe a fitlha sefatlhego sa gagwe, ka gonne o ne a boifa go leba Modimo wa boammaaruri. 7 Mme Jehofa a oketsa a re: “Kwantle ga pelaelo ke bone pogisego ya batho ba me ba ba kwa Egepeto, e bile ke utlwile selelo sa bone ka ntlha ya bao ba ba gatelelang go dira; ka gonne ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang. 8 Mme ke a fologa go ya go ba golola mo seatleng sa Baegepeto le go ba ntsha mo lefatsheng leo ke ba isa kwa lefatsheng le le molemo le le le bulegileng, kwa lefatsheng le le elang mashi le tswina ya dinotshe, kwa lefelong la Bakanana le Bahite le Baamore le Baperise le Bahife le Bajebuse.

View Details

Jakobe 5:12 Mme, mo godimo ga dilo tsotlhe, bakaulengwe ba me, tlogelang go ikana,+ ee, e ka tswa e le ka legodimo kgotsa ka lefatshe kgotsa ka ikano efe fela e nngwe. Mme a Ee wa lona a reye Ee, le Nnyaa wa lona, Nnyaa, e le gore lo se ka lwa wela mo katlholong.+

View Details

Ekesodo 19:1-25 Mo kgweding ya boraro morago ga bomorwa Iseraele ba sena go tswa kwa lefatsheng la Egepeto,+ mo letsatsing lone leo, ba ne ba tla mo nageng ya Sinai.+ 2 Mme ba bolola ba tswa mo Refidime+ ba tla mo nageng ya Sinai mme ba thibelela mo nageng;+ mme Iseraele ya nna ya thibelela foo fa pele ga thaba.

View Details

Dipalo 23:19 Modimo ga se motho gore a ka bua maaka,+ E bile ga se morwa motho gore a ka ikwatlhaya.+ A ene ka boene o go boletse mme a ga a kitla a go diragatsa, A o buile mme a ga a kitla a go diragatsa?

View Details

Baefeso 5:23 ka gonne monna ke tlhogo ya mosadi+ wa gagwe jaaka Keresete le ene a le tlhogo ya phuthego, ka ene e le mmoloki wa mmele ono. Tota e bile, jaaka phuthego e ikobela Keresete, jalo a basadi le bone ba nne jalo mo banneng ba bone mo go sengwe le sengwe. Banna, tswelelang lo rate basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone, gore a tle a e itshepise, a e ntlafatsa ka metsi a a tlhatswang, ka lefoko

View Details

Moreri 10: Dintsi tse di suleng ke tsone tse di dirang gore leokwane la modiri wa setlolo+ le nkge sebodu, le ntshe dipudula. Ka jalo boeleele bo le bonnye bo dira jalo mo go yo o tlhwatlhwakgolo ka ntlha ya botlhale le kgalalelo

View Details

Mareko 14:12 Jaanong mo letsatsing la ntlha la dikuku tse di sa bedisiwang,+ fa ka tlwaelo ba ne ba ntsha phologolo e e bolaelwang tlolaganyo setlhabelo, barutwa ba gagwe+ ba mo raya ba re: “O batla re ya kae go baakanyetsa gore o jele tlolaganyo gone?”+ 13 Foo a roma ba le babedi ba barutwa ba gagwe mme a ba raya a re: “Tsenang mo motseng, mme monna mongwe yo o rweleng nkgwana ya letsopa ya metsi o tla kgatlhana le lona.+ Mo saleng morago, 14 mme gongwe le gongwe fela kwa a tsenang mo teng gone rayang mong wa ntlo lo re, ‘Moruti a re: “Phaposi ya balalediwa e ke e beetsweng e nka jelang tlolaganyo+ mo go yone le barutwa+ ba me e kae?”’ 15 Mme o tla lo bontsha phaposi e kgolo e e kwa godimo, e baakantswe e tsentswe dithoto tsa ntlo; mme lo re baakanyetse koo.”

View Details

Mareko 10:14 - Fa Jesu a bona seno a galefa mme a ba raya a re: “Lesang bana ba babotlana ba tle kwa go nna; lo se ka lwa leka go ba thiba, gonne bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo.

View Details

2 Dikgosi 4:8 Mme ga diragala gore letsatsi lengwe Elisha a fete a ya Shunema, kwa go neng go na le mosadi yo o tlhomologileng teng, mme a simolola go mo patelela+ go ja senkgwe. Mme go ne go diragala gore nako le nako fa a feta foo, o ne a fapogela teng go ya go ja senkgwe.

View Details

Ruthe 1:4 Moragonyana banna bano ba itseela basadi, basadi ba Bamoabe.+ Leina la yo mongwe e ne e le Orepa, mme leina la yo mongwe e le Ruthe.+ Mme ba tswelela ba nna koo dingwaga di ka nna lesome.

View Details

Johane 15:19 Fa lo ne lo le karolo ya lefatshe, lefatshe le ne le tla rata se e leng sa lone.+ Jaanong ka gonne ga lo karolo ya lefatshe, mme ke lo tlhophile mo lefatsheng, ka lebaka leno lefatshe le lo tlhoile.

View Details

Mathaio 23:14-22 Foo mongwe wa ba ba lesome le bobedi, yo o bidiwang Judase Isekariota,+ a ya kwa baperesiting ba bagolo 15 mme a re: “Lo tla nnaya eng gore ke mo okele mo go lona?”+ Ba mo tlhomamisetsa dipapetlana tsa selefera di le masome a mararo.+ 16 Jalo go tloga ka nako eo go ya pele a nna a batla sebaka se se molemo sa go mo oka.+ 17 Mo letsatsing la ntlha la dikuku tse di sa bedisiwang+ barutwa ba tla kwa go Jesu, ba re: “O batla re baakanye kae gore o jele tlolaganyo gone?”+ 18 A re: “Tsenang mo motseng kwa go Mokètè+ mme lo mo reye lo re, Moruti a re, ‘Nako ya me e e tlhomilweng e gaufi; ke tla ketekela tlolaganyo le barutwa ba me kwa legaeng la gago.’”+ 19 Mme barutwa ba dira jaaka Jesu a ne a ba laetse, ba baakanya dilo ba di baakanyetsa tlolaganyo.+ 20 Jaanong, e rile go sena go nna maitseboa,+ a bo a ntse ka go sekama fa tafoleng le barutwa ba ba lesome le bobedi.+ 21 Ya re ba ntse baa ja, a re: “Ammaaruri ke a lo raya, Mongwe wa lona o tla nkoka.”+ 22 Ka ba ne ba hutsafaditswe fela thata ke seno, ba simolola mongwe le mongwe go mo raya ba re: “Morena, ga se nna, ga ke re?”+

View Details

Genesise 2:18 Mme Jehofa Modimo a tswelela a re: “Ga go molemo gore monna a nne a le nosi. Ke tlile go mo direla mothusi, gore e nne motlatsi wa gagwe.

View Details

1 Samuele 1:12 Mme go ne ga diragala gore fa a ntse a rapela ka lobaka lo loleele fa pele ga ga Jehofa, Eli a bo a lebeletse molomo wa gagwe. 13 Mme Hana ene, o ne a buela mo pelong; dipounama tsa gagwe ke tsone fela di neng di tshikinyega, le lentswe la gagwe le ne le sa utlwale. Mme Eli a tsaya gore o tagilwe. 14 Ka jalo Eli o ne a mo raya a re: “O tla itshwara jaaka yo o tagilweng ka lobaka lo lo kae? Tlosa beine ya gago mo go wena.” 15 Fa a rialo Hana a araba a re: “Nnyaa morena wa me! Ke mosadi yo o moya o pitlaganeng; mme ga ke a nwa beine le bojalwa jo bo tagang, mme ke tshololela moya wa me fa pele ga ga Jehofa

View Details

Diane 31:20-21 | Baefeso 5:22-33 | Tito 2:2-5 Otlololetse yo o bogisiwang legofi la gagwe, mme diatla tsa gagwe o di otlololetse yo o humanegileng. Ga a boifele ba ntlo ya gagwe ka ntlha ya kapoko, gonne ba ntlo ya gagwe botlhe ba apere diaparo tse di tlhatlagantsweng sebedi

View Details

Mareko 6:21 Mme ga tla letsatsi le le siameng+ le Herode a neng a dira modiro wa dijo tsa maitseboa ka lone ka letsatsi la go tsalwa+ ga gagwe a o direla banna ba gagwe ba maemo a a kwa godimo le balaodi ba sesole le ba ba di gogang kwa pele ba Galalea. 22 Mme morwadie Herodiase yono a tsena a bina mme a itumedisa Herode le ba ba ntseng le ene ka go sekama.+ Kgosi ya raya morweetsana ya re: “Nkope le fa e le eng se o se batlang, mme ke tla se go naya.” 23 Ee, a mo ikanela a re: “Le fa e le eng se o se nkopang, ke tla se go naya,+ go fitlha go sephatlo sa bogosi jwa me.”+ 24 Mme a tswa a raya mmaagwe a re: “Ke kope eng?” A re: “Tlhogo ya ga Johane wa mokolobetsi.

View Details

Se tsene mo lenyalong ka kgetsi ya diphiri. Ga o sena lerato o tshwana le tshipi fela e dirang modumo Bokamoso ya sephiri ke lebitla.

View Details

Lerato le a betla, le a nonetsa. Phenyo ya lerato e mo thapelong

View Details

1 Bathesalonika 3:1-13

Ka gone, e rile re sa tlhole re kgona go itshoka, ra bona go le molemo gore re tlogelwe kwa Athena;+ 2 mme re ne ra romela Timotheo,+ mokaulengwe wa rona le modiredi wa Modimo mo dikgannyeng tse di molemo+ kaga Keresete, gore a lo nitamise le go lo gomotsa mo boemong jwa tumelo ya lona, 3 gore ope a se ka a akgaakgiwa ke dipitlagano+ tseno. Gonne lona ka bolona lo a itse gore re laoletswe sone selo sen

View Details

Genesis 21:17

Foo Modimo a utlwa lentswe la mosimane, mme moengele wa Modimo a bitsa Hagare go tswa kwa magodimong a mo raya a re: “Mathata ke eng ka wena, Hagare? O se ka wa boifa, ka gonne Modimo o reeditse lentswe la mosimane kwa a leng gone

View Details

Mareko 1:14-20

Jaanong ya re Johane a sena go tshwarwa, Jesu a tsena mo Galalea, a rera dikgang tse di molemo tsa Modimo 15 a re: “Nako e e tlhomilweng e diragaditswe, mme bogosi jwa Modimo bo atametse. Ikwatlhayeng, mme lo nne le tumelo mo dikgannyeng tse di molemo.” 16 Fa a ntse a tsamaya go bapa le lewatle la Galalea a bona Simone+ le Anderea morwarraagwe Simone ba latlhela matlowa a bone kwa le kwa mo lewatleng, gonne e ne e le batshwaraditlhapi. 17 Jalo Jesu a ba raya a re: “Ntshalang morago, mme ke tla dira gore lo nne batshwari ba batho.” 18 Mme ka yone nako eo ba tlogela matlowa a bone ba mo sala morago. 19 Fa a sena go tsamaya sekgalanyana a bona Jakobe morwa Sebede le Johane morwarraagwe, tota e bile, e le fa ba ne ba ntse ba le mo mokorong wa bone ba rokaganya matlowa a bone; 20 mme kwantle ga tiego a ba bitsa. Le bone ba tlogela rraabone Sebede mo mokorong a na le banna ba ba thapilweng mme ba tswa ba mo sala morago.

View Details

Philippians 4:12-13

Eleruri ke itse kafa go nna le dilo+ tse di seng kalo go ntseng ka gone, eleruri ke itse kafa go nna le letlotlo go ntseng ka gone. Mo go sengwe le sengwe le mo maemong otlhe ke ithutile sephiri sa kafa go kgora go ntseng ka gone le kafa go tshwarwa ke tlala go ntseng ka gone, kafa go nna le letlotlo go ntseng ka gone le kafa go tlhoka go ntseng ka gone.+ 13 Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.+

View Details

Morena Modimo o itse tsotlhe tse o di tlhokang. Boela ko go ene, nna mo sephiring o mmolelele mathata a gago.

View Details

1 Bakorintha 15:1-58 Jaanong, bakaulengwe, ke lo itsise dikgang tse di molemo+ tse ke neng ka di lo bolelela,+ tse gape lo neng lwa di amogela, tse gape lo emeng mo go tsone,+ 2 tse gape lo bolokwang ka tsone,+ ka puo e ke neng ka lo bolelela dikgang tse di molemo ka yone, fa e le gore lo di ngangatletse, ntle le fa tota lo ne lwa nna badumedi kwantle ga boikaelelo.+ 3 Gonne mo dilong tsa ntlha, ke ne ka fetisetsa mo go lona se le nna ke neng ka se amogela,+ gore Keresete o ne a swela maleo a rona go ya ka Dikwalo;

View Details

Maikutlo a mantle a tlholwa ke moya o boitshepo Bagalatia 2:21 Ga ke kgaphele bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo+ kwa thoko; gonne fa e le gore tshiamo e teng ka molao,+ Keresete tota o swetse lefela.+

View Details

Genesis 32:3 Foo Jakobe a romela barongwa+ kwa pele ga gagwe kwa go Esau morwarraagwe kwa lefatsheng la Seire,+ naga ya Edoma,

Ezia 59:1-2 Matheo 18:15 Mo godimo ga moo, fa morwarrago a leofa, tsamaya o ye go baya molato wa gagwe mo pepeneneng fa gare ga gago le ene lo le losi. Fa a go reetsa, o gapile morwarrago

View Details

Pesalema 133:1 Bona! Abo go le molemo jang e bile go itumedisa jang ne Fa barwarramotho ba nna mmogo ka kutlwano

View Details

Johanne 8:7-11

E rile ba nnela go mmotsa, a inamologa mme a ba raya a re: “A mongwe wa lona yo o se nang boleo e nne ene wa ntlha go mo konopa ka leje.” 8 Mme ya re a inama gape a nna a kwala mo mmung. 9 Mme ba ba utlwileng seno ba simolola go tswa, ka bongwe ka bongwe, go simolola ka banna ba bagolwane, mme a tlogelwa a le esi, le mosadi yo o neng a le fa gare ga bone. 10 Ya re Jesu a inamologa, a mo raya a re: “Mosadi, ba kae? A ga go ope yo o go boneng molato?” 11 A re: “Ga go ope, rra.” Jesu a re: “Le nna ga ke go bone molato. Tsamaya; go tloga jaanong go ya pele o se tlhole o dira boleo.”

View Details

Matheo 7:7-11

7 “Nnang lo kope,+ mme lo tla newa; nnang lo senke, mme lo tla bona; nnang lo kokote,+ mme lo tla bulelwa. 8 Gonne mongwe le mongwe yo o kopang o a amogela,+ le mongwe le mongwe yo o senkang o a bona, le mongwe le mongwe yo o kokotang o tla bulelwa. 9 Eleruri, motho ke mang mo go lona yo fa morwawe+ a mo kopa senkgwe—ga a na go mo naya leje, ga ke re? 10 Kgotsa, gongwe, o tla kopa tlhapi—ga a na go mo naya noga, ga ke re? 11 Jalo, fa lona, le mororo lo le boikepo,+ lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rraalona yo o kwa magodimong a tla naya bogolo jang ne dilo tse di molemo+ ba ba mo kopang! 12 “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla,+ le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang; tota e bile, seno, ke se se kaiwang ke Molao le Baporofeti

View Details

Luke 18:15 - 17 15 Jaanong batho ba simolola go mo tlisetsa le masea a bone gore a a ame; mme ya re barutwa ba go bona ba simolola go ba kgalema ka bogale.+ 16 Le fa go ntse jalo, Jesu a biletsa masea kwa go ene, a re: “Lesang bana ba babotlana bano ba tle kwa go nna, mme lo se ka lwa leka go ba thiba. Gonne bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo.+ 17 Ammaaruri ke a lo raya ka re, Le fa e le mang yo o sa amogeleng bogosi jwa Modimo jaaka ngwana yo mmotlana ga a na go tsena mo go jone ka gope

View Details

2 Samuele 12:1-31 Foo Dafide a nanoga fa fatshe a tlhapa a ba a itshasa+ leokwane a apara diaparo di sele mme a tla mo ntlong+ ya ga Jehofa a obama;+ mme morago ga moo a tsena mo ntlong ya gagwe a kopa, mme ba akofa ba baya senkgwe fa pele ga gagwe mme a simolola go ja.

View Details

Ditiro 8:22-23 Jalo, ikwatlhaele bosula jono jwa gago, mme o kokotlele Jehofa+ gore, fa go kgonega, o itshwarelwe leano la pelo ya gago; 23 gonne ke a bona gore o santlhoko e e nang le botlhole+ le kgole ya tshiamololo.”

View Details

Psalm 103:13 Rata Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago. O ka rata modimo jang o sa mmoneng ka matlho mme o tlhoe motho o tshelang le ene. Fa lerato le seo, kagiso ga eo

View Details

Luka 6:27 Mme lona ba lo reeditseng, ke lo raya ke re: “Ratang baba ba lona; ba ba lo tlhoileng lo ba direleng molemo.”

View Details

Pesalema 51:1-19 | Nkutlwele botlhoko, tlhe Modimo, go ya ka bopelonomi jwa gago jwa lorato. Phimola ditlolo tsa me go ya ka letlotlo la mautlwelobotlhoko a gago. 2 Ntlhatswe tlolo ya me ka botlalo, Mme o mphepafatse mo boleong jwa me. 3 Gonne nna ke itse ditlolo tsa me, Le boleo jwa me bo fa pele ga me ka metlha. 4 Ke leofetse wena, wena fela, Ke dirile se se bosula mo matlhong a gago, Gore o tle o nne yo o siameng fa o bua, Gore o tle o tlhoke molato fa o atlhola. 5 Bona! Ke tsholetswe mo tlolong ka ditlhabi tsa pelegi, Mmè o ne a inthwalela mo boleong. 6 Bona! O natefeletswe ke boammaaruri mo teng ga gago; Mme e kete o ka dira gore ke itse botlhale mo bothong jo bo fitlhegileng.

View Details

Pesalema 78:1-4, 12, 15

1 A ko lo sekegele molao wa me tsebe, lona batho ba me; Sekegelang mafoko a molomo wa me tsebe. 2 Ke tla bula molomo wa me ka polelo ya seane; Ke tla bua thata ka dithamalakane tsa bogologolo, 3 Tse re di utlwileng le tse re di itseng, Le tse borraarona ba di re boleletseng; 4 Tse re sa di fitlheleng bomorwaabone, Tse re di bolelelang le kokomana e e tlang, Dipako tsa ga Jehofa le nonofo ya gagwe Le dilo tsa gagwe tse di gakgamatsang tse a di dirileng

12 O ne a dirile ka tsela e e gakgamatsang fa pele ga borraabonemogologolwane Mo lefatsheng la Egepeto, naga ya Soane

15 A fatola mafika mo nageng, Gore a tle a ba nose thata fela jaaka madiba a a boteng a metsi

View Details

1 Bakorintha 15:1-58

Ka mebele ya rona a re galaletse le go tlotla Modimo. Tempele ya Modimo e tletse thapelo

View Details

1 Bakorintha 15:21 | Gonne e re ka loso lo le ka motho, tsogo ya baswi le yone e ka motho. 22 Gonne fela jaaka mo go Adame botlhe ba swa, jalo le mo go Keresete botlhe ba tla tshedisiwa. 23 Mme mongwe le mongwe a le mo maemong a gagwe: Keresete mabutswapele, morago ga moo ba e leng ba ga Keresete mo nakong ya go nna gone ga gagwe

View Details

Jesaya 6:5 | Foo ka bua ka re: "A talthego ya me wee, gonne matlho a me a bonye kgosi, Morena wa masomosomo, ke a nyelela ka ke le motho wa molomo o o maswe ke bile ke agile mo gare ga morafe o o molemo e maswe.

View Details

2 Timothy 3:1-7 | Lefitiko 18:20 1 Mme itse seno, gore mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. 2 Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, 3 ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, 4 baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo, 5 ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone; mme bano o ba fularele. 6 Gonne mo go bano go tswa banna ba ka bonweenwee ba batlang tsela ya go tsena mo malapeng le go goga jaaka batshwarwa ba bone basadi ba ba bokoa ba ba imelwang ke maleo, ba ba gogwang ke dikeletso tse di farologaneng, 7 ba ba ithutang ka metlha mme le fa go ntse jalo le ka motlha ba sa kgone go tla mo kitsong e e leng yone ya boammaaruri.

View Details

John 11:25-35New International Version (NIV)

25 Jesus said to her, “I am the resurrection and the life. The one who believes in me will live, even though they die; 26 and whoever lives by believing in me will never die. Do you believe this?”

27 “Yes, Lord,” she replied, “I believe that you are the Messiah, the Son of God, who is to come into the world.”

28 After she had said this, she went back and called her sister Mary aside. “The Teacher is here,” she said, “and is asking for you.” 29 When Mary heard this, she got up quickly and went to him. 30 Now Jesus had not yet entered the village, but was still at the place where Martha had met him. 31 When the Jews who had been with Mary in the house, comforting her, noticed how quickly she got up and went out, they followed her, supposing she was going to the tomb to mourn there.

32 When Mary reached the place where Jesus was and saw him, she fell at his feet and said, “Lord, if you had been here, my brother would not have died.”

33 When Jesus saw her weeping, and the Jews who had come along with her also weeping, he was deeply moved in spirit and troubled. 34 “Where have you laid him?” he asked.

“Come and see, Lord,” they replied.

35 Jesus wept.

View Details

Modimo ke ene a ka emang le wena ka nako tsotlhe

View Details

1 Samuel 16: 11 | Psalm 119:86

Kgabagare Jehofa a raya Samuele a re: “O tla hutsafalela Saulo+ ka lobaka lo lo kae, fa nna, kafa letlhakoreng le lengwe, ke mo ganne gore a se tlhole a busa e le kgosi ya Iseraele?+ Tlatsa lonaka lwa gago ka leokwane+ mme o tsamaye. Ke tla go roma kwa go Jese+ wa Mobethelehema, ka gonne ke ineile+ kgosi mo gare ga bomorwawe.” 2 Mme Samuele a re: “Ke ka tsamaya jang? Fela fa Saulo a utlwa ka gone ruri o tla mpolaya.”+ Mme Jehofa a tswelela a re: “O tsamaye ka kgongwana ya motlhape, mme o re, ‘Ke tletse go isetsa Jehofa setlhabelo.’+ 3 Mme o biletse Jese kwa setlhabelong; mme nna, ke tla go itsise se o tshwanetseng go se dira,+ mme o ntloletse+ yo ke go mo tlhaolelang.”

View Details

Emisa koloi ya go sotla bana le basadi. Genesis 32:22 Ditiro 8:38

View Details

1 Samuel 1:1 Re tlhoka leleme le le rotloetsang basadi - e seng le le ba kgobang | Lela ka tsholofelo gore Modimo otla reetsa dithapelo tsa gago.

View Details

Motho o ikganyegang ona le boitshwaro, o itse Modimo. Tshepagalo mo ditirong tsa gago. Se letle satane go go raela go dirisa dilo tsa company botlhaswa.

View Details

Matheo 10:16 | Diane 12:17 | Luka 6: 31 | 2 Timoti 2:15 | Genesi 29: 33-35 Fa motho a go kgotla ka monwana, mo neele Modimo

View Details

Exodus 14:13-20 Foo Moshe a raya batho a re: “Lo se ka lwa boifa. Emang lo nitame mme lo bone poloko ya ga Jehofa, e a tla e lo direlang gompieno. Gonne Baegepeto ba lo ba bonang gompieno ga lo kitla lo ba bona gape, nnyaa, lo ka se tlhole lo ba bona gape. Jehofa ka boene o tla lo tlhabanela, mme lona lo tla didimala fela.”

Jaanong Jehofa a raya Moshe a re: “Ke ka ntlha yang fa o nna o ntse o goela kwa go nna? Bua le bomorwa Iseraele gore ba tlhatlhamolole bothibelelo. Fa e le wena, tsholetsa thobane+ ya gago mme o otlololele lewatle seatla sa gago o le kgaoganye,+ gore bomorwa Iseraele ba tle ba kgabaganye mo gare ga lewatle mo lefatsheng le le omileng. Fa e le nna, bona, ke letla dipelo tsa Baegepeto gore di thatafale, gore ba tle ba tsene morago ga bone le gore ke tle ke iponele kgalalelo ka Faro le mephato yotlhe ya gagwe ya sesole, dikara tsa gagwe tsa ntwa le bapalami ba gagwe ba dipitse.

Mme ruri Baegepeto ba tla itse gore ke nna Jehofa fa ke iponela kgalalelo ka Faro, dikara tsa gagwe tsa ntwa le bapalami ba gagwe ba dipitse.” Foo moengele+ wa Modimo wa boammaaruri yo o neng a tsamaya kwa pele ga bothibelelo jwa Iseraele a tloga mme a ya ka kwa morago ga bone, mme pilara ya leru ya tloga ka kwa pele ga bone ya ema ka kwa morago ga bone. Ka jalo ya tsena fa gare ga bothibelelo jwa Baegepeto le bothibelelo jwa Iseraele.+ Kafa letlhakoreng le lengwe e ne ya itshupa e le leru mmogo le lefifi.

Kafa letlhakoreng le lengwe e ne ya nna ya bonesa bosigo. Mme setlhopha seno ga se a ka sa atamela setlhopha sele bosigo jotlhe.

View Details

Bagalata 5:13-18 Lo bileditswe kgololesegong, mme se idirise go itumedisa tsa nama. O seka wa tlhatswa senwelo ka fa ntle mme moteng sele leswe

View Details

2 Corinthians 10:3-5 | 3 For though we live in the world, we do not wage war as the world does. 4 The weapons we fight with are not the weapons of the world. On the contrary, they have divine power to demolish strongholds. 5 We demolish arguments and every pretension that sets itself up against the knowledge of God, and we take captive every thought to make it obedient to Christ.

View Details

Sebe se monate, bothata ke ditlamorago tse diseng monate. Luke 15:11-21

View Details

Matthew 1: 18-24 | Matthew 7: 9-10 | This is how the birth of Jesus the Messiah came about[a]: His mother Mary was pledged to be married to Joseph, but before they came together, she was found to be pregnant through the Holy Spirit. Because Joseph her husband was faithful to the law, and yet[b] did not want to expose her to public disgrace, he had in mind to divorce her quietly.

View Details

1 Peter 5:6 | Latlhela matshwegego a gago mo tlase ga letsogo la Modimo.

View Details

Diane 29:15 | Thupa le kgalemelo di naya botlhale; mme mosimane yo o tlogelelwang fela o tla tlhabisa mmaagwe ditlhong. Thupa ke mosupatsela, e bula tlhaloganyo.

View Details

Job 1:6-7 One day the angels[a] came to present themselves before the Lord, and Satan[b] also came with them. 7 The Lord said to Satan, “Where have you come from?”

Satan answered the Lord, “From roaming throughout the earth, going back and forth on it

View Details

O tlala khumo mo pelong fa ona le teemane. O a e sireletsa ka dinako tsotlhe. Mosadi o matlametlo o itse go ikgabetsa, ga a bue ka batho ba bangwe, o tletse thapelo le lerato. Mokwatla wa mosadi o belega sengwe le sengwe. Diane 31:1-35 Matthew 15:4

View Details

Romans 12:12

View Details

Kgatelelo ya maikutlo e kgona go go dirisa diphoso. Gona le kgatelelo ya maikutlo a a tlisiwang ke dipuo tsa batho mme o feletse o sa tshole bana. Jesu o kgona go go inola mo mathateng a oleng mogo one

View Details

Luka 24:13-35 | A re tsene mo tseleng e yang Emmaus Tshele e tlisa polao, ntwa, go sa utlwane. Kereke etla gola jang fa lo bua maka ka moruti le bakereki

View Details

Le batlelang Jesu mo baswing ka a tsogile

View Details

Mantswe A Supileng 2017 1. “Rara baitshwarele; gonne ga ba itse se ba se dirang | Luka 23:34 2. ‘Kajeno o tla nna le nna mo parateising’ | Luka 23:43 3. “Mosadi, bona morwao ke yoo! A ba araya morutwa a re: “bona mmago ke yoo” | Johane 19:26-27 4. “Eli , Eli ,lama sabagathani , Modimo wame, Modimo wame , o ntlogeletseng” | Mareko 15:34 5. “Ke nyorilwe” | Johane 19:28 6. “Go weditswe | Johane 19:30 7. “Rara ke neela mowa wa me mo diatleng tsa gago” | Luka 23:46

View Details

Ga gona motho o senang sera - le Jesu o rekisitswe o a neng a ja le ena.

View Details

2 Samuel 12:3 The poor man owned nothing but one little lamb he had bought. He raised that little lamb, and it grew up with his children. It ate from the man's own plate and drank from his cup. He cuddled it in his arms like a baby daughter